Ba le bantsi ba dumela gore puisobatho e e kwadilweng ga e amogelesege sentle mo bareetsing. Go ya ka fa ba buang ka teng puisobatho e tshwanetse go relelela fela e tswa mo 'pounameng tsa sebui ka mokgwa wa tlholego. Bontsi jwa batho bo tswelela ka go tlhalosa gore puo fa e kwadiwa e "pana" mmui a bo e batla gore a seka a bua sepe gape se sele- ke gore a nne a lebeletse pampitshana e go kwadilweng mo go yone.
Batho ba ba kgatlhanong le mogopolo o wa go ithuta go kwala puisobatho ba re mmui o ka kwala fela dintlhana di se kaenyana fela kana go ka emisiwa thuto e ya go kwala puisobatho mo dikoleng mme go rutwe puisobatho eseng go e kwala.
Wena kgang ya gago ke eng ka moono o? a go kwala puisobatho go mosola kana nnyaa? ntsha mabaka. Abelana le rona maikutlo a gago ka ga go rutiwa go kwala puisobatho.